
handle: 10394/37022
MA (Setswana), North-West University, Mafikeng Campus, 2019 Maitlhomomagolo a patlisiso eno ke go tlhotlhomisa le go kanoka tlhagelelo le tlhagiso ya morero wa Maitelo, bogolosegolo wa Bolwantsha-Aparteite mo pokong ya magareng le ya segompieno ya Setswana, ka go dirisa maboko a a tlhophilweng mme a tlhamilwe pelenyana ga 1948 (ka tshimologo ya Aparteite) le moragonyana ga 1994 (ka phediso ya Aparteite). Puso ya Aparteite ya Aforika Borwa e itsege ka go sotla bantsho mme ya ba pateletsa go e lwantsha ka mekgwa e e farologaneng, jaaka tiriso ya Botlhami jwa Maitelo le Boamegi. Go megopolo ya gore Botlhami jwa Maitelo le Boamegi jo bo lwantshang Aparteite ga bo yo mo dikwalong tsa dipuo tsa bantsho jaaka Setswana, le go nagana gore Batswana ga ba tsibogele mathata a seloago-sepolotiki. Patlisiso eno, e leka go tlhotlhomisa bonnete jwa megopolo eo bogolosegolo mabapi le poko ya Setswana, go bontsha fa e fosagetse, go paka fa poko ya Setswana le yona e tsibogetse mathata a seloago-sepolotiki a Aforika Borwa, go supa fa go nnile le mabaka a a rotloeditseng megopolo e e fosagetseng e, jaaka bogoma jwa Seesimane, nyefolo le tlhokomologo ya dipuo tsa bantsho, melao ya kgatelelo ya Aparteite e e neng e diragadiwa ka makgotla a dikiletso, mafapha a thuto le diboto tsa puo. Patlisiso e dirisa molebo wa Botswa-bokoloniale go tlhatlhoba merero le diteng tsa maboko, le wa Bolepopego jwa SeraMaitlhomomagolo a patlisiso eno ke go tlhotlhomisa le go kanoka tlhagelelo le tlhagiso ya morero wa Maitelo, bogolosegolo wa Bolwantsha-Aparteite mo pokong ya magareng le ya segompieno ya Setswana, ka go dirisa maboko a a tlhophilweng mme a tlhamilwe pelenyana ga 1948 (ka tshimologo ya Aparteite) le moragonyana ga 1994 (ka phediso ya Aparteite). Puso ya Aparteite ya Aforika Borwa e itsege ka go sotla bantsho mme ya ba pateletsa go e lwantsha ka mekgwa e e farologaneng, jaaka tiriso ya Botlhami jwa Maitelo le Boamegi. Go megopolo ya gore Botlhami jwa Maitelo le Boamegi jo bo lwantshang Aparteite ga bo yo mo dikwalong tsa dipuo tsa bantsho jaaka Setswana, le go nagana gore Batswana ga ba tsibogele mathata a seloago-sepolotiki. Patlisiso eno, e leka go tlhotlhomisa bonnete jwa megopolo eo bogolosegolo mabapi le poko ya Setswana, go bontsha fa e fosagetse, go paka fa poko ya Setswana le yona e tsibogetse mathata a seloago-sepolotiki a Aforika Borwa, go supa fa go nnile le mabaka a a rotloeditseng megopolo e e fosagetseng e, jaaka bogoma jwa Seesimane, nyefolo le tlhokomologo ya dipuo tsa bantsho, melao ya kgatelelo ya Aparteite e e neng e diragadiwa ka makgotla a dikiletso, mafapha a thuto le diboto tsa puo. Patlisiso e dirisa molebo wa Botswa-bokoloniale go tlhatlhoba merero le diteng tsa maboko, le wa Bolepopego jwa Serašia go tlhatlhoba tiriso ya malepa a puo le popego mo mabokong a Bolwantsha-Aparteite.ia go tlhatlhoba tiriso ya malepa a puo le popego mo mabokong a Bolwantsha-Aparteite. Masters
Boamegi, Maitelo, Botswa-bokoloniale, Bolwantsha-Aparteite, Poko ya Magareng/Segompieno ya Setswana, Bolebapopego jwa Serašia, Boitemogo jwa Bontsho, Aparteite
Boamegi, Maitelo, Botswa-bokoloniale, Bolwantsha-Aparteite, Poko ya Magareng/Segompieno ya Setswana, Bolebapopego jwa Serašia, Boitemogo jwa Bontsho, Aparteite
| selected citations These citations are derived from selected sources. This is an alternative to the "Influence" indicator, which also reflects the overall/total impact of an article in the research community at large, based on the underlying citation network (diachronically). | 0 | |
| popularity This indicator reflects the "current" impact/attention (the "hype") of an article in the research community at large, based on the underlying citation network. | Average | |
| influence This indicator reflects the overall/total impact of an article in the research community at large, based on the underlying citation network (diachronically). | Average | |
| impulse This indicator reflects the initial momentum of an article directly after its publication, based on the underlying citation network. | Average |
